Keresete Mmoloki Wa Rona

1/35

Keresete Mmoloki Wa Rona

KETAPELE

Polelo ya botshelo jwa ga Keresete Mmoloki wa rona mo lefatshing, e kwadilwe kwa ntle ga mafoko mo ponalong nngwe le nngwe ya tlholego, mo ponalong nngwe le nngwe ya kitso ya motho, mo tlhomamisong nngwe le nngwe ya botshelo. Ga re kake ra lemoga ka botlalo gore go boteng jang kutlwalelo, go gasame jang tlhotlheletso, kaga botshelo jwa ga Jesu wa Nasaretha. Lesego lengwe le lengwe la mofuta mongwe le mongwe le tla mo go rona ka yone kopano ele gare ga Legodimo le lefatshe e e neng ya dirwa mogang Morena wa kgalalelo A ineelelang tirelo ya lefatshe je le latlhegileng mo boleung. KMR 4.1

Botswiriri jwa go kwala polelo eo ka mo go senang bolekanyetšo bo tlhotlheleditse sekwadi sa yo o rutegileng le loleme lwa yo o itseng go bua. Mme e botoka go bolelwa ka puo e eketeng ya bana. Ponalo e e gakgamatsang ga e tlhoke go tsenngwa mmala ke motho (go ntlafadiwa). Kgalalelo ya yone e feta botlhale jwa motho. E phatsima ka mo go gaisang mo bontleng jwa yone. KMR 4.2

Mo ditsebeng tse ga go na maiteko ape a a dirilweng go leka go kgabisa ka mokgwa o o itirelwang. Polelo e e phepa, jaaka e boletšwe ke mongwe yo o tshikintšweng ke maikutlo a a boteng a selekanyo se se senang bolekanyetšo sa polelo, e beilwe mo puong ya ba bannye. Mo bonolong jwa yone ga e bue fela le dipelo tsa ba bannye ba le bosi, mme e rakana le keletso e e utlwadiwang ke rona rotlhe mo kopelong e e tlwaelegileng — KMR 4.3

“ Mpolelela polelo ka bonolo jaaka mo ngwanyaneng.” KMR 4.4

A e fele e amogelesege ka bonolo jone jo bo ntseng jalo le boitsheko jwa tumelo. KMR 4.5